obstakls bonno şarkı sözleri

Letsatsi ka seatla ke le huparetse Ke le tsere ka bomo Ka gore Modimo o mphuraletse Marang a lone a kgwa o kare mathe Ke tshwere sekapamantswe Ke le lentswe le le bogwata Le se borethe Molora, ba ba gaufi ba nna one Ke ba tshuba jaaka dipone Ke kgotsofatswa thata ke selelo sa bone Gore o mpone Gareng ga bosigo Leba dinaleding o mpone Ke rapaletse mo marung Ke Modimo montle Ga ke manga ga ke tsamaya Ga ke gate mo mmung Ke kokobala mo phefong O kare ke mo pharashutung Se ntshwantshanye le Jeso Ke Modimo o tshotsweng Go tswa mo mmudubudung Pholoso le kgalalelo Ke tsa Modimo wa tlhakatlhakano Setilo se segolo sa dihele Ke bonno Satane tlhogo ke kgaotse a bo ke tseela Bonno Ga go na Modimo ope ko ntle ga nna Jeso kresete o ntshutela mo stilong a bo ke nna Ke botsogo jo bo tokafatswang ke lehihi Ke setshedi sa molelo ke bopilwe ka molelo wa letsatsi O lesego ha re ise re kopane Ke nonofile le ha ke bopame Dikago tse di goletseng kwa godimodimo Ke di thula di sala di kgauthane Molomo o tswala hao shename Se re tshwantshanye Ha re tshwane Ke pelokgale jaaka matshwane Bosigo lefifi ke manthwane O o diphuka ditona jaaka sefofane Dithaka bokgoni ke Rramaranyane wa lejeremane Tlhakatlhakano Ke leina la me la sefane Modimo o o mo rapelang O mpitsa Modimo o o mogolwane Bosigo ka dithaka ke loya ke palame mokwatla wa matholwane A le matlho a pelekane I can do anything muahaha Die Hiya Hiya Hiya Hiya Poifo e kgolo Ke thataganya ditopo jaaka thotobolo Bagolo ba nkitse boSatane Go tswa bogologolo Ha ba mpona e kete ke selo Sa mmannete mme e se sa mmannete Ha ke itsiwe ke se naga Ha ke itsiwe ke sa tshwane le phologolo epe ya naga Lehatshe lotlhe ke le busa ke le nosi Baganetsi le banthoi ke ba tsosetsa dikotsi
Sanatçı: Obstakls
Türü: Belirtilmemiş
Ajans/Yapımcı: Belirtilmemiş
Şarkı Süresi: 2:46
Toplam: kayıtlı şarkı sözü
Obstakls hakkında bilgi girilmemiş.

Fotoğrafı