obstakls gareng ga masigo şarkı sözleri

Dipalo di ko godimo tsa polao Batho ba phamolwa ba robetse Ha godimo ga bolao Dikarolo tsa mebele ya batho Diselwa tsatsi le letsatsi Fa tlhoko ga noka ya Boteti Madi bohibidu a apesitse metsi Manong bophokojwe le bophiri Ba kgobokane ka bontsi Masetlapelo a tsholodisa babatlisisi Ba sepodisi dikeledi Sekgwa bosigo sea bokolela Ngwedi ya le ntshofalela Dikereke di kopilwe go rapela Batho mabati ba a tswalela Sekgwa bosigo sea bokolela Ngwedi ya le ntshofalela Dikereke di kopilwe go rapela Batho mabati ba a tswalela Maloba go fitlhetswe bapalami thaba Ya lentswe la baratani ba bofeletswe Matsogo le maoto ka dichaene Mebele ya bone e tlhasetswe Ke manong Diboko di le mo kgokgochong Mo matlhong Ba rokilwe sehuba se gabilwe Mokwalo matshwao a a sa itsiweng ha lebilwe Maina a bone a itsilwe Ka dikarata tsa omang Gore ke Malebogo le Keneilwe Sekgwa bosigo sea bokolela Ngwedi ya le ntshofalela Dikereke di kopilwe go rapela Batho mabati ba a tswalela Sekgwa bosigo sea bokolela Ngwedi ya le ntshofalela Dikereke di kopilwe go rapela Batho mabati ba a tswalela Kebonye a re o bone Moriti wa selo sengwe se sa mmone A iphitlhile mo ntlwaneng ya boapelo Letshogo a le itshokile Sebetsa a ngaparetse lehelo A itidimatsa mme a batla go goa Masika a gagwe a pallwa ke go sia Ha moriti wa selo se ba alola A kgona go falola A bilediwa ke mapodisi go botsolotswa Gore ke mang kana ke eng Ke motho kana selo se se tlhasetseng Go letshogo le le feteletseng Bosigo go ditiragalo tse di sa itsiweng News reports Sekgwa bosigo sea bokolela Ngwedi ya le ntshofalela Dikereke di kopilwe go rapela Batho mabati ba a tswalela Sekgwa bosigo sea bokolela Ngwedi ya le ntshofalela Dikereke di kopilwe go rapela Batho mabati ba a tswalela
Sanatçı: Obstakls
Türü: Belirtilmemiş
Ajans/Yapımcı: Belirtilmemiş
Şarkı Süresi: 3:26
Toplam: kayıtlı şarkı sözü
Obstakls hakkında bilgi girilmemiş.

Fotoğrafı