obstakls lefifi şarkı sözleri

Sun, why are you shining on this world I am wanting to catch you in my hands To squeeze you, until you cannot shine anymore In that way, everything is always dark Ke ngwana e sale ke tsewa ke lefifi Ke ngwana phokojwe o ntsere go le lefifi Dikgaga mo teng ke godile ke itse bofifi Ke ganne Jeso a re o nkapesa ka lesedi Ka gore ke rata lefifi Motshegare ha letsatsi Le tlhabile Ke kgarakgatshega ke sa salwe morago ke moriti Ka gore ke lefifi Boididi jwa lefifi Modimo o mpatla a hatahata a sa nkitse A sirilwe ke lefifi Bophirimatsatsi Bone ke khurumeditse Letsatsi ka lefifi Tswala matlho Pono ya matlho Ke go e gapetse ka lefifi Kwa tshimologong e rile Modimo A kgaoganya lesedi le lefifi Ke ha ke tlhagelela Modimo go tswang fo a mpitsa Bosigo Bosigo ke lefifi ke bosigo Ke lefifi ke legodu la lesedi Motshegare ke alola letsatsi Go tswa botlhabatsatsi Go fitlhelela ke le fifaletsa ko bophirimatsatsi Ke motlhotlheletsi wa ditiragalo bosigo tse di masisi Moswi re tswalelwa mmogo mo teng ga lekesi Ke lefifi mo dilong tsa loso ke morotloetsi Ha mmolai a go tsoma o sa mmone Ke mo apesitse purapura ya lefifi Ga gona ope ko o ka ntshabelang teng Le mo botengteng ba mmele wa gago ke teng Le fa o tsamaya mo leineng la ga Jehofa Lotlhe ka bobedi lefifi mo moweng le teng Kwa tshimologong e rile Modimo A kgaoganya lesedi le lefifi Ke ha ke tlhagelela Modimo go tswang fo a mpitsa Bosigo Bosigo ke lefifi ke bosigo
Sanatçı: Obstakls
Türü: Belirtilmemiş
Ajans/Yapımcı: Belirtilmemiş
Şarkı Süresi: 2:40
Toplam: kayıtlı şarkı sözü
Obstakls hakkında bilgi girilmemiş.

Fotoğrafı