obstakls letimela şarkı sözleri

Ke letimela Ke tsamaya ke goga maoto O ka re ke a ikimela Tumelo e bokete Nako tse dingwe ha ke iteba mo seiponeng Ke ikhitlhela ke lebaganye Le moeng yo o ntibileng A sa nkitse a le dipelaelo tse dintsi Gore ke bosula bontsi jaaka mokgoreletsi Go itshepha go mpaletse Ke letimela la modumedi tumelo e feletse Jaanong ke timeletse Mo nageng E e ditsela tse di tsamaiwang ke tau Phiri le lengau Di ntshetse morago Di batla go mpula tlhogo jaaka legapu Ke iphitlhetse ke iphitlhile Mo lehuting la thakadu Maoto ke tshwerwe ke bogatsu Go sena ko nka ya teng Ke gatsetse jaaka statue Gone jaanong Ke gorogile ha tseleng E kgaoganang sebedi sa ditseleng A ke tlhophe tsela bogolo Ke lese go ema jaaka setshwantsho Se se tlhomilweng Tswelelo pele ya mosepele E tla nkgorosa kwa lwapeng Ke letimela la modumedi Yo tumelo ya bodumedi e latlhegileng Gareng ga sekgweng sa botshelo A ke tlhophe tsela ke tsamayeng I need your light Take me out of this darkness And into your perfect light Your perfect light Gatwe fa motho a le mogopolo Gore ke sengwe mme e se sepe Wa bo a itsietsa tlhaloganyo Ka jalo ke tshwanetse go Itlhatlhoba tlhaloganyo Maikutlo ke a tlhanolole Ke itlhatlose mo lefelong la pitlaganyo Tota ke inyaditse go feta selekanyo Yo ke mmonang mo seiponeng Mo go ene ga ke na boikanyo Boitshwaro ke itshwara ka setla sa molema Dinao ke a di rema ha ke re ke a ema Gore ke ikitse ke tshwanetse go iste Gore ga ke e itse sepe ke sehema Tsela e e gogelang bodumeding Ke tla e bona mo tlhakantshukeng E e mo dibukeng A ke di buleng Thuto ke thugeng Take me out of this darkness I need your light I need your touch Lord I need your light Take me out of this darkness And into your perfect light Gone jaanong Ke gorogile ha tseleng E kgaoganang sebedi sa ditseleng A ke tlhophe tsela bogolo Ke lese go ema jaaka setshwantsho Se se tlhomilweng Tswelelo pele ya mosepele E tla nkgorosa kwa lwapeng Ke letimela la modumedi Yo tumelo ya bodumedi e latlhegileng Gareng ga sekgweng sa botshelo A ke tlhophe tsela ke tsamayeng
Sanatçı: Obstakls
Türü: Belirtilmemiş
Ajans/Yapımcı: Belirtilmemiş
Şarkı Süresi: 3:28
Toplam: kayıtlı şarkı sözü
Obstakls hakkında bilgi girilmemiş.

Fotoğrafı