obstakls sebatana şarkı sözleri

Who is like the beast Who is able to make war with him Se ole se ole Sebatana se ole Se tswa magodimong Modimo o se golotse Se ditlhogo se ditlhogo Sebatana se maboko Se botlhale go heta Duma Boko Ke sele se hale Godimo ga mawatle se kotame Se tlala se atlhame Bogologolo Basarwa ba bogologolo Ko Tsodilo ba se takile sele segolo Motlhala se o lesitse Go bapa le wa ga Matsieng Le ditopo dikopo e digatile Se go leba se sa bonye Se go kapa lentswe Tisa skapamantswe o nne fatshe Utlwa jaaka se duma Sebatana se duma Go heta bazuka e hulwa Sebatana kana ke sejabana Sebatana Ke mang yo o tshwanang le sebatana A gona ope yo o ka lwantshang sebatana Ha se eme ka dinao Se kana ka thabana Ntlenyana Sebatana Batho ba gakgamaditswe ke sebatana Ba boifa ha ba bona sebatana Ha se tlhatloga Mo lewatleng ba se tlhabela Bana ba basetsana Go nna dithole ha sebatana Se lwantsha Modimo le Diabole Go nna dithole ha se tika mabole Se nonofile sebatana se bifile Se galefile Toropo tsa lona se tsile Go di thuba le go di tshuba Sebatana ke sekgwa molelo Se lesa toropo tsa lona di tuka Se letlalo bogwata Se mebala mefuta Sebatana ka segai Ha o kake wa sephunya Kana se dikarolo tsa dibatana di le supa Se maoto a bera Mme se taboga go feta mmutla Utlwa jaaka se duma Sebatana se duma Go feta dibomo di thunya Ke mang yo o tshwanang le sebatana A gona ope yo o ka lwantshang sebatana Ha se eme ka dinao Se kana ka thabana Ntlenyana Sebatana Batho ba gakgamaditswe ke sebatana Ba boifa ha ba bona sebatana Ha se tlhatloga Mo lewatleng ba se tlhabela Bana ba basetsana
Sanatçı: Obstakls
Türü: Belirtilmemiş
Ajans/Yapımcı: Belirtilmemiş
Şarkı Süresi: 2:31
Toplam: kayıtlı şarkı sözü
Obstakls hakkında bilgi girilmemiş.

Fotoğrafı